Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Marara
Marara
Marara
Ebook95 pages1 hour

Marara

Rating: 5 out of 5 stars

5/5

()

Read preview

About this ebook

“O ka iphaga dikoro mo Matikiring, o ka fitlhela o šwele ntshi o sa ogole sepe.” Ka baanelwa Lebogang le Morupong, mokwadi o kgonne go re bontsha gore “Pelo e ja serati ...” le fa gona kakanyo e, e sa ungwela Lebogang ka gope fa a sena go nyalana le Molefe. Morupong morago ga loso lwa ga mmaagwe, fa a bona e kete o tlaa tloga a ‘lelela kgama le mogogoro’ o phuaganya Rremogolo jaaka segotlhola se kgwiwa ke motho a itlhaganetse, a bo a boelana le Sentshoge yo o neng a ithatelwa ke moswi, mmaagwe.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateOct 31, 2018
ISBN9781415461648
Marara

Read more from Dps Monyaise

Reviews for Marara

Rating: 5 out of 5 stars
5/5

2 ratings0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Marara - DPS Monyaise

    Rremogolo, Mothubatsela-a-Marumoagae, phorogotlho ya mmele wa potokwe, e ne e le mosimane wa kgomo tsa mafisa mo metlheng ya bofelo ya Setswana sa lekgorokgoro, mme a aga a ikana gore motlha a ka tshemogelang kwa Makgoeng, ammaaruri, o tla boa a boka ka letlhare Matebele a mantsho, magadimanantweng, maja a dumaduma. E re a rialo, ba mo je setshego ka go itlhoma a buisiwa ke go tlhabakwa ke mpa.

    Ya re go le tsatsi lengwe, kgogamasigo a tla a rwele masa ka tlhogo, a ba a feta fa Lofetlhong, a beile molamu mo tsebeng, a gopotse Matikiri a Motati. A tsamaya jalo a latlhetse kgetsana ya kabu mo legetleng, tlhako sa ramphatšhane, phatola monwana, Motswana a ya kgakala a bapile le phologolo ya ga Mokgakalakololo, go bona tshweu ya marakalela letsibogong e tshela molapo, se tabola mmu gangwe le gape. La ntsha nko a tsamaya fa Dipompong.

    A ema, a bogela ditšheše di ntlafaditswe segolo ke marang a tsatsi la meso, di tshwana le majwana a o neng a ile go a batla, tsa mo ama pelo a ba a tsamaya a tlolatlola jaaka kgarejwana e bona mokapelo wa yona wa ntlha mo botshelong. A tsamaya a ema gangwe le gape a ba a fitlha mo motsemontsho wa Kgapamadi, a ikaeletse go gorogela kwa ga malomaagwe wa Thaba Ntsho, e bong Mafetlhefetlhe. Fa a tsena ka motse a bona ntwa e larile mo mebileng, mosimane a tshotse tšhaka le thebe, motho wa mokgalajwe a betsa molamu a ba a kgaoga leoto la mphase ka fa godimo ga lengole. A ema, a bogela ntwa e o neng a tlhola a utlwa e bolelwa ka mmaka-mogale, mme a ise a ke a nne tshego go e bona, gonne nako le nako fa a ile go rekisa ntšhe le magapu, o na a boa fela a ise a eme mo godimo ga koloi ka jokwe wa kwa morago. A bona mosimane yo moleele a tswa mo gare ga bona, a emela kwa thoko mme a simolola go tswa mainamafatshwa ka legano mosetsana wa moroba a mo etleetsa ka mogolokwane...

    Mafetlhefetlhe o na a tlhola a bolelwa e le seganka sa maila-go-kgotlwa, ba ba mo itseng ba mo tshabela mo tlhareng sa mmitlwa, fa go ka twe ntwa ke eo, a bo a segetswe mo lefureng. Ga twe e ne e tle e re a rekisa nama a tloge a ralatse motho molamu mo tlhogong, go bo go tlaašwa logong, go sala molora. Ntwa e Rremogolo o tseneng e tshwarane, e ne e kgophilwe jaana, mme ka malatsi a sa tle ka go tshwana, a bonwa ke mosimane ka letlapa mo phatleng, a ba a ikgoga ka sa morago a sa laela. Rremogolo a goroga fela mo a ogolang namane e tona ya leekele la nama mo isong go ithoba manokonoko a lentswe, e le nako e a sa batleng go bona motho a ntse a gaola, a ba a rora jaaka tshetlha ya dipoa. A gana go bona moriti wa ga Rremogolo o wela mo kgorong, a mo ja nko e sa butswa, a sa tlhole a itshwenya, go bona gore ke mang, Tsamaya wena, tsamaya!

    Dumela, malome. Ke nna...

    Ga go na malome wa sepe, ka re tsamaya...ngwana wa moloi ke wena.

    Rremogolo a ema, a šeba kwa le kwa. A bona malomaagwe a latlhela lesapo kwa ntle, a sa tswa go latlhela le lengwe, mme a kokonnwe otlhe, go se le fa e le ntha. A ithaya a re o mmone...

    A o sa le...hee, motlogolo, dumela tlhe monna! Ntlha o ntse o sa re ke wena?... Dumela malome.

    A tswa a iphimola mafura, namanyana e e rileng Rremogolo a fitlha a bo a sa tswa go e ogola mo iso, e fedile fedifedi. Hee, setlogolo, motho yo ke wena? Ija, nna ke ntse ke itlhoma o le mongwe wa Masarwa a mono. Ke sona se ke sa go tseeng tsia le fa o ntse o bitsa.

    Ke nna. malome. Ke batlile go tsamaya ke re ga o yo mo gae. A tlhoma malomaagwe matlho mo phatleng.

    O nao di bosula, monna. A o tshokane ka o nkgopola go ntse jaana? Ee, malome.

    E le gore dinamanyane di setse le mang?

    Rremogolo a rita ka marago mo sennong, e le gona o ikotlhaelang bosilo jo bo mo lerileng Kgapamadi. Yare e ntse e le ena a lemoga gore o tlile Kgapamadi ka a ne a leka go tila matsapa a go sotlwa ke lefatshe, etswa e le ngwana wa mosimane, lebitla la gagwe le tshwanetse go nna fa thoko ga tsela...

    Monna, kana ka re dikgomo di setse le mang...Kgotsa o thuntsebe, re go thuse?

    Ga di a sala le ope.

    A šeba Rremogolo mo matlhong, e le selo se o neng a se dira sewelo, motlha a tlodilweng ke pelo. A golo fa, monna, o romilwe? Ntlha o sa rialo?

    Nnyaya, malome, ga ke a romiwa.

    Jaanong o batlang?

    A itse gore fa a sa arabe ka bonako, molamu o tlaa tswa boroko mo tlhogong ya gagwe. A buela ka bonako, Ke tsile go batla tiro, malome. Ga ke bolo go disa, mme ga ke bone go nthusa sepe gonne ga ke tshwaelwe sepe sa dilo tse ke di disang. Ga ke...

    Ga re iketle monna...Wa re ga o bolo go disa, mme ga o bone sepe sa dilo tse o di disang...ke nnete motlogolo. Ke tlaa tsoga ke boela mo Lofetlhong, mme e tlaa re ka tshipi e e ka kwa pele, ke tle go bona gore nka dirang. A tswela kwa ntle a nyenya, e kete a re go bisa go itse Mafetlhefetlhe go jesetsa mo masweng. Fa a šeba ntlheng ya botlhabatsatsi, a bona ba gagabo mosimanyana yo o mo opileng ka lentswe mo phatleng, a itse gore tau ga e ise e tsene mo sekhing. A boela mo mogwaafatsheng a loga maano a go tshabisa Rremogolo...

    Fa nka boela mo Dipompong, a go tlaa bo go siame?

    E re fa Lofetlhong, malome. Ke tlaa bo ke le gaufi le Matile.

    Moeka a itumela go utlwa motlogolo a se bua jaaka monna, a sa

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1