Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Bogosi Kupe
Bogosi Kupe
Bogosi Kupe
Ebook216 pages5 hours

Bogosi Kupe

Rating: 5 out of 5 stars

5/5

()

Read preview

About this ebook

Bogosi Kupe e thadisa ka thitokgang ya bogosi le lorato. Go na le dithitokgang di le pedi tse di nyalanang e bile di tsamaelana. Bogosi ke mokgwa wa setso o o supang ka mo puso ya Batswana e tsamaisiwang ka teng. Kupe ke selo se se tlhodilweng ke Modimo. Fa Monyaise a re"Bogosi Kupe" o kaya gore bogosi bo ftlhodilwe ke Modimo. Go ya ka ene bogosi bo a tsalelwa. Bogosi ke mpho e e tswang mo Modimong, ga se letsoku, ga bo itlodiwe.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateSep 18, 2017
ISBN9781415452769
Bogosi Kupe

Read more from Dps Monyaise

Reviews for Bogosi Kupe

Rating: 5 out of 5 stars
5/5

1 rating1 review

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

  • Rating: 5 out of 5 stars
    5/5
    Ke rata dipadi tsotlhe tsa ga Monyaise. Di kwadilwe ka Setswana se se balolang. Tswelelang ka go leretse tswine ya mofuta o.

Book preview

Bogosi Kupe - DPS Monyaise

Padi

Tlhalosetso ka ga padi

Sa ntlha o tshwanetse go itse gore buka e, Bogosi Kupe, ke maitlhamelo a mokwadi, mme ke ya mofuta o o bidiwang padi.

Ke ka moo ke simololang ka go go tlhalosetsa gore padi ke eng, le gore fa o buisa padi kgotsa o ithuta ka ga padi, o tshwanetse go ela dintlha dife tlhoko.

Mo pading mokwadi o re tlotlela ka dilo tse a di itlhametseng. Ga se dilo tsa nnete totatota, mme gone di tsamaelana le tsa botshelo jwa nnete. Mokwadi o dira jalo ka maikaelelo a go re jesa monate kgotsa go re lemosa mabaka mangwe a botlhokwa mo botshelong.

Mo pading re buisa ka ga:

Ditiragalo dingwe, tse di amang batho bangwe, di ba diragalela mo lefelong lengwe, e bile di diragalela mo motlheng mongwe kgotsa nako nngwe, e le ditiragalo tse di amang lebaka lengwe la botshelo, mme mokwadi o anela ditiragalo tseo ka go dirisa puo le thulaganyo..... Ditiragalo tsa padi di tshwanetse go dumelega kgotsa go kgwedisa, e se ka ya nna ditsiabadimo tse di se nang tlhaloganyo. Gape di tshwanetse go golagana le go tsamaelana, di se ka tsa nna magogagoge. Di tshwanetse go itumedisa le go gogela, di se ka tsa lapisa mmuisi.

Go na le mafoko a a kgethegileng (mareo) a a dirisiwang mo thutong ya dikwalo, a a tlhalosang dintlha tse di bonaditsweng ka ditlhakakgolo tse dintsho fa tlase. O tshwanetse go itse mareo ao, wa a tlhaloganya, wa tlwaela go a dirisa, ka gonne a ka nna a dirisiwa le mo dipotsong tsa ditlhatlhobo. Ona ke a a latelang:

Diponagalo tsa botlhokwa tsa padi

(a) KANEDI: Ke ditiragalo tse di anelwang mo pading.

Mo go Bogosi Kupe re bona baratani ba ganediwa go nyalana, banna ba rera go ikgapela bogosi ka ntata ya go bo tswela pelo gammogo le bogodu jwa dikgomo le dintsho tsa batho bangwe.

(b) BAANELWA: Ke batho ba ba amegang mo ditiragalong tsa padi.

Mo pading ya rona go buiwa ka boMatlhodi, Tukisang, Modimoeng, le boOshupile.

(c) MAITSHETLEGO: Ke tikologo kgotsa lefelo le ditiragalo tsa padi di diragalelang mo go lona, gammogo le motlha kgotsa nako e di diragalang ka yona.

Ditiragalo tsa padi eno di diragalela mo metseng ya Setswana e e sa ntseng e le ka fa tlase ga magosi. Go buiwa ka motse wa Magogong le Phiritona.

(d) MORERO: Ke lebaka lengwe la botshelo le re le lemosiwang ka ditiragalo tsa padi le ditiro tsa baanelwa ba padi. E ka nna thuto kgotsa molaetsa.

Padi eno e bua ka lerato le bogosi jaaka mpho e e tswang kwa badimong.

(e) SETAELE: Ke mokgwa o mokwadi a dirisang puo ka ona go re tlotlela ditiragalo.

Mo go Bogosi Kupe mokwadi gantsi o dirisa puo e e monate, e e tletseng botshwantshi le dikapuo, mme go na le fa a dirisang mokgwa o o bofitlha le o o popota wa go tlhalosa dilo.

(f) POLOTO: Fa diteng tsa padi (ditiragalo, baanelwa, lefelo le motlha wa ditiragalo) di tsamaelana, di na le kgwediso le kgolagano le kgogedi, di bopa selo se se bidiwang poloto e e kwenneng.

Bogosi Kupe e thadisa ka thitokgang ya bogosi le lorato. Go na le dithitokgang di le pedi tse di nyalanang e bile di tsamaelana.

Bogosi ke mokgwa wa setso o o supang ka mo puso ya Batswana e tsamaisiwang ka teng. Kupe ke selo se se tlhodilweng ke Modimo. Fa Monyaise a re Bogosi Kupe o kaya gore bogosi bo tlhodilwe ke Modimo. Go ya ka ene bogosi bo a tsalelwa. Bogosi ke mpho e e tswang mo Modimong, ga se letsoku, ga bo itlodiwe.

Monyaise o tlhalosa gape gore lorato jaaka kupe ke mpho e e tswang kwa Modimong. Motho a susumediwa ke maikutlo. Fa batho ba le babedi ba golagantswe ke maikutlo, lorato lwa bona ke la boammaaruri.

Lorato lo lo tswang mo maikutlong ke kgole e e thata, e go seng ope yo o ka kgonang go e kgaola. Se se raya gore batho ba ba ratanang ka mokgwa o, ba kgaoganngwa ke loso fela…

Go ya ka Monyaise tseo ya bogologolo ya go batlelwa molekane e boatla, mme e gaisiwa ke ya gompieno ya pelo e ja serati, sebatlelwa ga e se rate. Moanelwa Tukisang ke ene a tlhalosang gore kgaitsadiagwe Matlhodi o ne a sa rate Oshupile ka gonne a mmatletswe ke batsadi.

Tseo ya Setswana e boatla ka gonne ga e na sepe le maikutlo. Batsadi ba nyadisa ngwana wa bona mo malapeng a bona batsadi ba a ratang. Matlhodi le Oshupile ba nyadisitswe ka ona mokgwa o. Matlhodi o nyetswe a ithwele mme ngwana yo o mo mpeng e se wa gagwe. Tiragalo e e oketsa mathata a lenyalo ka re itse gore Setswana se re Letlaleanya ntwa. Tota le fa Matlhodi a sa nyalwa a gapa namane, go tshwana fela ka gonne namane e ne e le mo maleng. Monyaise a re tseo ya Setswana e nyadisa motho serepa e seng pelo.

Mokwadi o beile kupe le lerato mo maemong a le mangwe. Go ya ka Monyaise bogosi ke kupe jaaka lerato e le kupe. Baanelwa botlhe ba ba leng kgatlhanong le kupe ba tsena ka mosima o montsho motlhaelathupa. Oshupile o a tlhokafala ka gonne o tsene lerato la Matlhodi le Modimoeng fa gare. Ngwana yo Matlhodi le Oshupile ba neng ba mo solofetse le ene o palelwa ke go bona letsatsi ka ntlha ya kupe.

Ka fa letlhakoreng la bogosi re na le baanelwa ba ba neng ba le kgatlhanong le kupe e bong, Serokolo, Tukisang, barwa Tukisang le borre bangwe ba lekgotla. Re bona kwa bofelong ba tlhokofala botlhe ka ntlha ya go lwantsha kupe. Loso lwa baanelwa ba kupe ke lwa diatla e bile go tshololo ya madi.

Kwa bokhutlong merero e le mebedi e bong lerato le bogosi e tshwaragana go dira selo se le sengwe se se kitlaneng. Obakeng ke ene a tshwaraganyang merero e mebedi e. Obakeng ke ngwana wa kupe gonne o tsetswe ke batho ba ba ratanang ka lorato lwa kupe. Obakeng o kopana le rraagwe fa a ile go fitlha dikgomo tse o di utswitseng. Mapodisi a a ka fa tlase ga Sajene Botipe ba kopana le baanelwa ba kupe fa ba batla dikgomo tsa mmuso. Obakeng o falosa Motlhoiwa mo go bontsalae, barwa Tukisang. Motlhoiwa o itse maikaelelo a boSerokolo a go menola puso ka gonne e le bafaladi mmogo. Obakeng le Modimoeng ba falosa kgosi mo babeng ba gagwe. Se se dira gore kgosi a itshwarele Obakeng a bo a dumelele Modimoeng go nna moagi wa Phiritona. Kwa bofelong mmaObakeng o bua gore Modimo o rata dilo tse dintle, ke ka mo o tlhomileng bogosi kupe mo pelong ya monna le mosadi go somarelwa ka tlotlo le masisi.

Botshelo jwa ga DPS Monyaise

Daniel Phillip Semakaleng Monyaise o belegwe kwa Ophirton, kwa Johannesburg, ka ngwaga wa 1921, kgwedi ya Diphalane e tlhola malatsi a le lesome le borataro. Ke gofejane mo lelapeng la ga Phillip Monyaise le Dorcas Thepe Kgobe. Bomogoloe ke Enos, Sana le Solomon ka go latelana. E rile ka ngwaga wa 1924, a na le dingwaga di le tharo, a isiwa kwa gaabomogolo, kwa Matile, gaufi le Ditsobotla, a golela gone, e le modisa.

D.P.S. Monyaise o simolotse go tsena sekolo ka ngwaga wa 1934 mo motsaneng wa Lotlhakane, a na le dingwaga di le 13. Ka ngwaga wa 1940, a le mo setlhopheng sa bone, kgwedi e le ya Mopitlwe, a ikopela mo go mogokgo wa sekolo gore a letlelelwe go fetela mo setlhopheng sa borataro mme mogokgo a gana. A nna lesego go amogelwa mo sekolong se sengwe sa Lichtenburg Amalgamated School, mo setlhopheng sa borataro mme a falola ditlhatlhobo tsa setlhopha se mo bofelong jwa ngwaga wa 1940 gona mo lekeišeneng la Ditsobotla.

E rile mo tshimologong ya ngwaga wa 1941 Monyaise a boela Johannesburg go nna le batsadi ba gagwe gape, ba jaanong ba neng ba agile mo Sophiatown mme a simolola foromo ya 1 mo sekolong sa St. Cyprian gone mo Sophiatown. Mo ngwageng wa 1941 setlhopha sa gagwe sa foromo ya 1, sa nna ona motheo wa sekolo se se neng sa bidiwa Johannesburg Bantu High School, se e rileng kwa bofelong sa bidiwa Madibane High School. O falotse foromo ya boraro ka ngwaga wa 1943 ka maemo a ntlha gone mo sekolong se. Ka ngwaga wa 1944 a simolola dithuto tsa matiriki gone mo Madibane.

E rile fa Monyaise a dira foromo ya boraro a bo a rutiwa saense ke rre W.S. Gumbi yo o neng a le matlhagatlhaga thata mo thutong e, mme a dira gore Monyaise a rate saense thata, a ba a e tlhopha gore e nne nngwe ya dithuto tsa gagwe mo go matiriki. Morutabana yo o neng a bidiwa Sipho Siwisa a gotetsa lorato lwa Seesimane mo go Monyaise. Mongwe wa barutabana ba ba neng ba le diphatsa thata mo thutong ya Seesimane ke PC Mokgokong. Bokgoni jwa Monyaise jwa Seesimane bo mo kgontshitse go nna modulasetulo wa mokgatlho wa dikwalo le kganetsano. Monyaise o ne gape a tshameka thenese, kgwele ya dinao le rakabi.

Monyaise fa a fetsa go wetsa dithuto tsa matiriki, o ne a nna morutabana gone mo sekolong sa Johannesburg Bantu High, ka ntata ya go tlhoka madi a go tsweletsa dithuto tsa gagwe pele ka rraagwe a ithobaletse ka ngwaga wa 1943. E rile ka ngwaga wa 1951 a ya kwa kholetšheng ya Kilnerton go ithutela borutabana. Fa a fetsa go wetsa dithuto tsa borutabana, a ya go ruta kwa sekontaring ya Munsieville kwa Krugersdorp ngwaga o le mongwe fela. O ne a tlogela tiro ya borutabana mme a tsaya ya bokwaledi maikaelelo e le go bona sebaka sa go kwala dibuka. Tiro ya bokwaledi o e dirile go tloga ka ngwaga wa 1955 go fitlha ka ngwaga wa 1961. Ka ngwaga wa 1961 Monyaise o ne a ruta kwa sekolong segolo sa Barolong kwa Mafikeng. Mo tshimologong ya 1962 ke fa a ya go ruta kwa sekolong sa Sekitla kwa Khwadubeng dikgwedi di se kae fela. Ka kgwedi ya Moranang 1962 Monyaise o ne a tlhatlosiwa go nna mogokgo kwa Sekolong sa Wolmaranstad go fitlha bofelong jwa Mopitlwe 1967. Go tloga mo Wolmaranstad o ne a ya kwa sekolong se segolwane sa Kutlwano kwa Ventersdorp go nna mogokgo dikgwedi di se kae fela. Ka Sedimonthole 1967 a boela Johannesburg go ruta mo sekolong se segolo sa Meadowlands go fitlha Moranang 1972. Mo tshimologong ya ngwaga wa 1973 a dirwa mogokgo wa sekontari ya Thutolore mo Meadowlands. E rile ka Moranang mo ngwageng wa 1974 Monyaise a tlhatlosiwa go nna motlatsamotlhatlhobi wa dikolo mo Johannesburg, tiro e a e dirileng go fitlha a rola tiro.

D.P.S. Monyaise e rile fa a fetsa go kwala ditlhatlhobo tsa ngwaga wa ntlha wa BA, a tlhaselwa ke bolwetse jo bo maswe jo bo neng jwa mo latsa dingwaga di le pedi mo bookelong. E rile a ntse a le mo diphateng tsa bolwetse, a simolola go kwala padi ya gagwe ya ntlha Omphile Umphi Modise, le fa e se ka ya phasaladiwa ka yona nako eo. Tota e ne e se lwa ntlha a leka go kwala. Fa a santse a le mo sekolong o ne a tle a kwale dikgannyana, a di buisetse balekane ba gagwe. Morago a gagole a latlhe. O simolotse go ithuta go kwala dipadi ka ona mokgwa o.

D.P.S Monyaise o nyetse Angelina Matlawe mme ba segofadiwa ka bana ba le bane, e bong Matlhoko, Kehilwe, Boitumelo le Ohentse.

Monyaise ke mokwadi yo o itsegeng thata mo dikwalong tsa Setswana. Go kwala padi ke mpho mo go ena. Dipadi tse a setseng a di phasaladitse ke tse:

Omphile Umphi Modise, 1960, A.P.B 


Marara, 1961, J.L. van Schaik. 


Ngaka mosadi mooka, 1965 J.L. van Schaik 


Bogosi kupe, 1967, J.L. van Schaik 


Go ša baori, 1970, J.L. van Schaik

I

Fa a tswa go phutha dipholo mo mosong a fitlhela rraagwe a dutse mo godimo ga mogoma a itshwere lehuma; a nta tsa bo kapa sebakanyana a ise a di atametse; mme gangwe le gape a gadima monnamogolo gore e re a gwetlha di atamele, ka mmu le one o ne o simolola go kgomarela, balemi ba gabile go tshwara mongola, di sa tlhole di fulela go kgora. Letsatsi la tlhatloga rraagwe a sa tsikinyege. Kgantele a di gapa a iketlile go botsa gore di tla golega leng. A tsamaya a betsa ditlhatshana ka thobane gore fa mmutla o ka tlola a otlolole letsogo, ba tle ba bone go digela mosoko. A potologa tlhofi ya mabele a badimo, a feta setlhatshana sa moretlwa, a… ga tlola wa motlhaba ka fa tlase ga nao tsa gagwe. E rile o batalatsa ditsebe a otlolola letsogo mosimane yo o maroka. Ga re khuru! Fa lorole lo apoga a latlha masutlha, a baya molamu mo tsebeng go o bolaya ka setšhana.

Mo tikologong ya Phiritona go fitlha kwa merakeng ya mošate, go boa jaana ka dikgaga tse dintsho tsa Magogong kwa letsatsi le neng le okomela motshegare o mogolo wa sethoboloko, go se mosimane yo o tlhabakelwang ke mpa mo go ene. A iteba kwa moriting, a ngotla dinao, a tsholetsa tlhogo. A utlwa gore fa pula e ka bo e dikile e sa senya bontle ka go na pele ga nako, go ka bo go setse molora. A gakologelwa sekei sa Magogong: mogolokwane wa tsatsi lo o ne o sa ntse o lela mo tsebeng tsa gagwe jaaka meepelwane ya batlhabani ba kgatlhantshiwa ke bothepa bo letse bo tswa go isa marago kgosing. A… aa! ke mang yo o rileng loso le fenya baswi… a gopola mosimane yo o neng a tswa kwa moragorago a fitlha a phamola sekei mo go ene a sa bontshe le fa e le thothi ya mofufutso, jaaka e kete ene, Obakeng, yo o neng a tshabega lebaibai, o eme fela. Basadi ba kgadiepetsa mogolokwane wa tsatsi leo. A gelela dikeledi go gopola gore e rile beke e ise e fele mosimane a bolawa ke kgomo. Ene yo o neng a mo tlosa bodutu. Morago ga sala lolea… a gelela dikeledi… fa a diga matlho a fitlhela o le ka fa tlase ga nao tsa gagwe. A ya go supetsa rraagwe.

Mmaagwe o ne a isa dijo tsa balemi fa a rakana le dipholo mo tseleng ka nako ya di tlwaela mafulo; ka itlho la mosadi wa Setswana a lemoga gore ga di tswe mo jokweng. A feta Sebaretlelane le Blom, tse di neng di setse di ka bo di golotswe fa e se ka bomadi-masesane, di le thele tsa barwa, di akga letshwagolo; a feta Rooibloed le Jambloed le tse dingwe. Phefo e e botlhoko ya mo itaya lesama la molema, a itse gore go tla tsoga go kgerega. Ya mo tlola. A tlhaba mokgosi a sa le kgakala gore ba tlogele maroko; e bile a ntse a ba supa ka monwana. A bona legakabe le dikologa mogoma: ga le ba gonyetseng matlho ba sa ntse ba ile ka maroko. Tukisang o digela tema ya mo mosong, bomatlhogole bone, motho le rraagwe, ba tshwaragne le boroko. A tlhaka ka tlhofi ya mabele a badimo… bonang! Obakeng o perepetsega le mebutla, monnamogolo ene o kgontlha maroko mo godimo ga mogoma! A tlhaba mokgosi a šakgetse. Fa morwae a utlwa a itse gore o tshwanetse go dirang. Le ene

Enjoying the preview?
Page 1 of 1