Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Pelo e ja serati
Pelo e ja serati
Pelo e ja serati
Ebook149 pages2 hours

Pelo e ja serati

Rating: 3 out of 5 stars

3/5

()

Read preview

About this ebook

Pelo e ja serati – A loving heart knows no bounds. A drama in Setswana.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateNov 1, 2018
ISBN9781415461662
Pelo e ja serati

Read more from Jm Ntsime

Related to Pelo e ja serati

Reviews for Pelo e ja serati

Rating: 3 out of 5 stars
3/5

4 ratings0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Pelo e ja serati - JM Ntsime

    Tema 1

    [Go motshegare o monaana. Dithole o tsamaya kwa nokeng. O tsarnaya le noka e e nang le mokgatsha o o talafetseng. Pelo ya gagwe e rotha madi. O bua a le esi.]

    DITHOLE: Fa nkabo ke na le rnaatla a bommampipi,

    Nkabo ke itsalanya le marubisi,

    Ke itsalanya Ie dinonyane tsa bosigo;

    Gore di tle di nkadime diphuka,

    Di nkadime le matlho a bosigo,

    Ke tle ke kgone go rwala masigo

    Ke rototse matlho a ntse ditoto.

    Ke fofa jaaka dinong tsa loapi,

    Ka diphuka di tla nkuka

    Di nkuka di ntebisa kwa go Nombini.

    Nnaare ke buela eng ka marubisi?

    Ka marubisi e le dinonyane tsa baloi

    Nonyane tsa bopeloethata le bosetlhogo?

    Mme kana lerato ke tsala e kgolo ya mmampipi,

    Ke raya e le fa le ntoile pelo,

    Le nkgwetse mathe ganong ka tshereana

    La nthatisa ngwana wa motswakwa,

    La nkupa maikutlo ka upalala,

    Ka tshwana le noga e kgolo ya tlhware

    E meditse namane e tons ya phudufudu.

    Kana le nna ke meditse kweletla ya selo

    Ke meditse lerato, ke meditse pelo ya motswakwa.

    Nnaare ke buela eng ka mmampipi!

    Mmarapipi e le selo se se se nang lerato

    A ke bue ka nonyane e tshwaana lephoi

    Ka boswaana bo sweufatsa pelo;

    E nne boswaana jwa rnašwi a lobese;

    O bone e tlala lerato la nnete.

    Nkabo ke na le cliphuka tsa lephoi,

    Nkabo ke fofela Tebeleng;

    Ke ya go latlhela bofofu teng

    Ke tie ke jese madho bontle,

    Bontle jwa ngwana wa trunala wa sebilo.

    [Go tsena Baahipile a tswa mo sekgweng se se kitlanyeng. Tsebe ya gagwe e kapile se se neng se buiwa ke Dithole, feta a sa itse gore o re eng.]

    BATŠHIPILE: Dumela molekane!

    Ntlhang sefatlhego sa gago se setlhefetse,

    O ka re sa motho phefo ya mariga e mo gamotse.

    Sefatihego sa gago se bobududu jwa loapi,

    Matiho a sona a latlhegetswe ke kganya,

    Le go tswela kwa ntle a tlhabiwa ke kgala.

    A bona fa go le botoka go gonyela,

    A golomela ka dikgapa tennyanateng,

    A bega fa mowa o sa iketla, molekane,

    Pelo ya gago e kgarakgatshega jaaka phefo ya borwa.

    opela pina ya matlhotlhapelo le mahutsana,

    Pina e e tlhotlhang pelo ya lerato madi.

    Matiho a gago ga ke a rate molekane,

    A senoia pelo e e geletseng madi;

    A senola maikutlo a a kgoberegileng,

    A a tobekaneng jaaka metsi a mogobe,

    Fa diphologolo di ja sememi mo go ona

    Di itimola mogote wa letsatsi selemo.

    Ke eng o balabala o le esi molekane,

    O etsa motho a se esi tihaloganyong,

    O etsa motho a kile a be a tshwaratshwara.

    DITHOLE: Dumela molekane, Batihipile!

    Nka itumela fa nka tthipisa baba,

    Ka tthipisa dira ka diragatsa maikutlo,

    Ao a kgoberilweng ke pono e mabono mantle.

    O bua nnete molekane, nnete e e se nang mebala,

    Fa o re ke tobekane maikutlo.

    Pelo ya me e loigile,

    E loilwe ka dipheko tsa setebele,

    Ke mosetsana yo motshwana wa Letebele,

    Ka mere o e epile kgakalakga.kala,

    Ka yona a ntshira pelo ka foufala

    Ke raya mere e mehibidu, molekane,

    Mere ya lerato le le tukang

    Le le galalelang jaaka legala la motswere.

    BATŠHIPILE: Ga ke go utlwe sentle molekane,

    Ga ke reye gore ditsebe di ile naafisa,

    Tlhaloganyo ke yona e paleiwang

    Go phunyeletsa mabaka a

    Morongwa, ditsebe di a gorsang.

    Tlhalosa molekane.

    Kgotsa o raya gore o jele diphirimisi tsa lerato?

    O ka re ke go utlwile o umaka bommampipi

    Le dinonyane tsa bosigo marubisi a mantsho.

    E bile o bua ka mere ya lerato

    Mere e e ritibatsang pelo.

    Bolela molekane.

    DITHOLE: Molekane lerato le ntoile pelo,

    Ke fenyegile mo maikutlong

    Gore le fa lerato le ka ntlisetsa kotsi,

    Ke tla e leba ka leitlho le lehibidu

    Ke e leba jaaka tau tona

    Fa e leba phologotswana bosigo.

    BATŠHIPILE: Se ntikolose jaaka pholo ya tona molekane,

    Se njese mmamadikwadikwane selo sa bana,

    Boboko jwa me bo ja moretelediane

    Bo delemela fa godimo ga puo ya gago,

    Bo tlhoka maitsetsepelo a kutlwisiso

    Go bona maikaelelo a gago.

    DITHOLE: Molekane ke tla go bolelela ka tolamo,

    Ke rata ngwana wa Letebele,

    Mme pelo ya me e rotha madi.

    Go leokoriba magareng a me le mosetsana,

    Leo le agilweng ke mekgwa le ditso;

    Leo melao ya lona e gagametseng

    Melao e e sireletsang katamelano ya merafe,

    Melao e e nyatsang merafe e mengwe.

    Ke phoso molekane go nyatsa motho ye mongwe

    jaaka lona bagaetsho to sa itsemeletse go dira.

    Lo baba ba kgolagano le kutlwano.

    Jaanong ka ntlha ya melao e, ke latlhegile.

    Pelo ya me yona e tuka molelo wa lerato

    Ke rata ngwana wa Letebele,

    Mme jaanong melao e . . .

    BATŠHIPILE: Ndhang o ka re o lebala jaaka Setswana se bua.

    A ga se re Moserwa ke yo motonanyana

    Wa mosadi ke ene Motswana?

    Jab o se ke wa boifa molekane,

    Diragatsa maikutlo a gago.

    O mo senolele se o leng sona,

    O mo senolele legala la pelo ya gago,

    Le le tukang ka kgaialelo ya botshepegi,

    Lerato la loso le botshelo.

    ivfolekane, a mekgwa le ditso di tghipisiwe

    Kana metlha e fetoga fela jaaka ditlha.

    Se sa feleng se a bo se tlhola.

    Mekgwa le ditso di tshwanetse go fela

    Ga tsena tsa metlha ya gompieno boemong.

    DITHOLE: Nka tghipisa mekgwa le ditso jang?

    Go letsibogo le le boteng magareng a rona.

    Le dhoka moratha wa lerato go le tshela,

    Ka diphuka tsa lerato ka tIolela kwa moseja.

    Letsibogo le, le a boitshega e bile le tseisa sedidi.

    BATŠHIPILE: Ke a go utlwa molekane.

    Fela itse gore pelo e ja serati.

    Go builwe jalo ke mogologolo.

    Batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya senate,

    Fa le wena o tihophile seratwa ke pelo ya gago,

    O tlhophile thaka e tshwaana ya leitlho la gago.

    Ga se bona ba yang go tshela le ene,

    Ga se bona ba yang go tshwenyega ka ene,

    Ke wena molekane.

    Fa e le Letebele ke la gago

    Le tlhophilwe ke pelo ya gago e le yosi.

    DITHOLE: Molekane o a bua go a utiwagala;

    Fela wena o bua jaaka motho wa sebweng,

    Ka o itse gore se se gwang mo pelong

    Motho wa sona ga a beye lerago. Batsadi ba me ke batho ba segologoio,

    Ba dumela melao ya maloba le maabane.

    Ba re ya gompieno ga se melao melaonyana,

    E feta le phefo ya rnariga e foka,

    E tshwana le mmoko e fofa le phefo.

    Molekane, letsatsi ke lele le hibitse;

    O ka re kweletla ya legala mo pelong ya me,

    Pelo e e rothang madi a a tshololwang ke lerato.

    Le wela ka leokoriba la bophirima ka bohutsana,

    Lefifi la bohutsana le dhaga le suma ka mabetwaepelo,

    Le apesa lefatshe la bohutsana ka kobo e ntsho,

    Le hupetsa maikutlo a me, le ntshofatsa pelo ya me.

    Ke tla dirang molekane?

    BATŠHIPILE: Ititeye mafatlha molekane,

    O a bulele ngwana wa Letebele;

    Pelo ya gago a e bone jaaka e hibitse,

    E tuka lerato la botshelo le nnete,

    Le tuka ka kgalalelo e e boitshegang

    Kgalalelo e e tla robang melao ya segologolo,

    E e tla lomaganyang ditghaba tsa diteme disele.

    DITHOLE: Le phirimile letsatsi molekane,

    Le phirimile le pelo ya me;

    Ga go nko e e tswang lemina,

    Go eme tau-tona fa gare ga me le mosetsana,

    E tlharaladitse meetse e batla go nkgagolaka,

    E ila fa ke atamela mosetsana go bua mafoko.

    BATŠHIPILE: Monna Dithole, se boife sepe,

    Diragatsa maikutlo a gago,

    Go sa nneng jalo a tla go tsisetsa kotsi.

    Ga ke kgatlhwe ke rnokgwa wa gago malatsinyana a.

    A re tsamaye.

    A o ke o mpolelele,

    O ne o dile go batla eng mo sekgweng se?

    DITHOLE: Ke tlisitswe ke kgarakgatshego ya mowa fa.

    Pelobotlhoko e ne ya nkgoga jaaka pelesa

    E gogwa ka mogala nko e ise e fole,

    Maikaelelo e ne e le gore ka gongwe

    Ke ne nka bona Nombini a re kgabo I

    Mme ka mo tsela bofofu go jesa matlho

    Ka boga bontle jwa ngwana wa motswakwa.

    [Ba gaufe le fa gabo Dithole, ba tshwanase go kgaogana]

    BATŠHIPILE: Dithole monna, o ngwana wa monna,

    Se dikadike jaaka mosadimogolo a tshwexwe ke mangele

    le.

    Sala o ikakanya molekane.

    Ke go solofetsa thuso ya me ka pelo yotlhe,

    Sala senile ke a tsaznaya.

    DITHOLE: Tsamaya senile molekane,

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1