Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Lerato ke eng?
Lerato ke eng?
Lerato ke eng?
Ebook103 pages1 hour

Lerato ke eng?

Rating: 0 out of 5 stars

()

Read preview

About this ebook

Fa Pulane a ya go arwa kwa bookelong, Nkwe ena o ja lefata kwa tšhankaneng. Mokwadi o re fa seemo sa gagwe ka ga se lerato e leng sona ka mokgwa o a digelang terama ya gagwe ka teng. Ba ba dumelang mo dithotong ba welwa ke bomadimabe mme ba ba dumelang gore lerato le tsalega ka fa teng ba tswelela pele mo botshelong. Ka jalo mokwadi o re raya a re lerato ga le a tshwanela go bopelwa mo dipopegong tse di ka fa ntle gonne ‘Mosadi tshwene o jewa mabogo,’ fa ‘Monna tau o jewa marota.’

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateOct 30, 2018
ISBN9781415461631
Lerato ke eng?

Read more from Jm Ntsime

Related to Lerato ke eng?

Reviews for Lerato ke eng?

Rating: 0 out of 5 stars
0 ratings

0 ratings0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Lerato ke eng? - JM Ntsime

    Tema 1

    (Matshediso o kopana le Pulane mo toropong ya Tlhabane. Go dipone di tshubilwe)

    MATSHEDISO: Dumela Pulane kgaitsadiake!

    PULANE: Ahee mogolole Matshediso!

    MATSHEDISO: Ke bona dinao tsa gago di go tsholetsa botlhošwana, di fapaana ka pejana jaaka tsa moroba wa kgongwana o gopotse metsi mogobeng. A o itlhaganetse thata kgotsa o ka ema metsotswana le nna?

    PULANE: Ga ke palelwe ke go ema metsotswana le wena. Ke kgoreletswa ke nako gonne e setse e kgabagantse Lefifi la lotlatlana ke le le tlhaga le ikonopile. Le tswa bophirima go hupetsa lefatshe, gore matlho a ditshedi a tlhoke go bona. A tle a bipiwe ke boroko mmelega dikhutsana, ditshedi di tle di ikhutse matsapeng a motshegare.

    MATSHEDISO: Ao Pulane, o bona jang lefifi?

    PULANE: Ke le bona sentle mogolole.

    MATSHEDISO: Nnyaya Pulane o ka se le bone. Nna ke bona kgalalelo ya dipone tse di benyang. Kgalalelo ya dipone tse di mebala e lelekile lefifi, e bile dinao tsa gago di bona fa di gatang teng. Ke a itse fa bosigo bo tlhaga bo rwaleletse. Fela lefifi lona ga ke le bone. Kana metsotswana e se kae e ka se go senyetse sebaka. Ke tlaa go pega mo thekising e go ise gae. Ke tlaa e duelela gore e go folose fa kgorwaneng. Metsotswana e se kae tlhe Pulane.

    PULANE: Mogolole ga ke gane go go adima metsotswana e se kae; fela go tlhabisa ditlhong gore mosetsana a lale a sasanka bosigo. Golo fa kana ke romilwe mme ke tshwanetse go gorosa mafoko ka nako.

    MATSHEDISO: Ke a itse fa o romilwe Pulane. Ke metsotswana e se kae fela.

    PULANE: (O lebelela tshupanako) Ke go fa metsotswana e le metlhano, e seng go feta foo.

    MATSHEDISO: Pulane ntlhang puo ya gago ke ya ntwa?

    PULANE: Mogolole ga ke lwe nao, e bile ga nkitla ke lwa le wena. Ke gore nako ke yona e sa ntetleng. Dithekisi di tloga di ntshia tsotlhe.

    MATSHEDISO: Pulane, dikarabo tsa gago ke tsa motho a le mafega. Mafoko a gago a supa gore ga o nkgathalele.

    PULANE: Nnyaya, mogolole jaanong o a mphosetsa. Ga ke bue le wena ka mafega, e bile ga se gore ga ke go kgathalele. Nako ke yona e ganang. Nna ke ne ke re re bue re ntse re tsamaya gonne boemelo jwa dithekisi bo sale kgakala. Ga re bue ka dinao, re bua ka melomo. E bile ga re reetse ka dinao, re reetsa ka ditsebe.

    MATSHEDISO: Ke a go utlwa, Pulane, melomo e tlaa bua, e bo e arabana. Ditsebe le tsona di tlaa reetsa se se buiwang ke melomo, fela matlho ona a tlaa bo a sa lebagana gonne a tlaa bo a lebile fa dinao di gatang teng. Kana mogologolo a re ’thaka di matlhong. Ke batla go bona gore matlho a gago a nna jang, fa morongwa ditsebe a gorosa melaetsa ya melomo bobokong.

    PULANE: Ke goreng o batla go bona matlho a me? Tota o batla go bona eng mo go ona?

    MATSHEDISO: Pulane, matlho ke seipone sa boboko. Ke go re a itse go senola gore boboko bo tsaya jang melaetsa e e goroswang ke ditsebe. Boboko bo a akanya bo be bo dire ditshwetse. Ditshwetso tse tsona di tsosa maikutlo mangwe, mme maikutlo a, a senoga ka matlho, gonne fa e le maikutlo a boitumelo, dithaka tsa matlho di tlaa rotoga ka kganya mme fa e le maikutlo a khutsafalo di gonyela mo dikgapeng, go fitlha kganya ya tsona. Ka go dira jalo matlho a ngotlege, dithaka tse ditshweu di nyelele, go bonagale tse dintshonyana fela, mme kana Pulane, bontsho bo bega khutsafalo, boswaana bona bo bega boitumelo, ke ka moo go tweng ’thaka di matlhong.

    PULANE: Ke goreng o batla gore ke go lebe? Ke mafoko afe a botlhokwa a a batlang gore re lebane matlhong?

    MATSHEDISO: Pulane, fa o ka ema metsotswana e se kae fela, o tlaa utlwa ke tlaa thathologa ka ona. Ke tlaa thathologa ka ona fela fa re lebane, gonne matlho a gago a mafatshwana, a tlaa tlhosetsa maikutlo a a molelo bothong jwa me, mme boboko bo tlaa a loga sengatana ka matsetseleko, loleme lo lontlha lona lo a konopele kwa ntle, gore a kapiwe ke ditsebe dintlha tsa moreetsi. Ntebe Pulane, ke tle ke thathologe sekolwane.

    PULANE: (O supa kgakgamalo) Ntlhang puo ya gago o ka re ga e battle metsotswana? O ka re e batla bosigo botlhe go tšhotlhwa sentle. Tlhalosa sentle mogolole, ke maikutlo afe a a ka tlhosetswang ke go leba ga me?

    MATSHEDISO: (O supa khutsafalo) Ke go re o nnetse go tsamaya Pulane. Ema o ntebe, ke go lebe, mme e tlaa re re lebane, maikutlo a epologe methapong ya me. Loleme lwa me lo kgone go relela sentle, gonne lo tlaa bo lo logeditswe ke mathe a keletso. Kana keletso e itse go rokolosa mathe.

    PULANE: (O supa go fela pelo) Kana go bosigo mogolole. O ka se kgone go bona dithaka tsa me.

    MATSHEDISO: (O a supa) Pulane, re tlaa ema ka fa tlase ga lobone lole. Kganya ya lona e tlaa dira gore dithaka tsa gago le tsona di kganye.

    PULANE: Tota ga ke ise ke go tlhaloganye, o bua ka ga maikutlo, ka ga matlho, ka ga dithaka, ka ga melomo, ka ga ditsebe le ka ga boboko. Tota o batla go reng mogolole?

    MATSHEDISO: Ke tlaa bua jang o gana go nteba Pulane? Bona re setse re le gaufi le dithekisi. A o raya gore o tlaa palama re ise re fetse mafoko a rona?

    PULANE: Nnaare o raya mafoko afe? Ke mafoko afe mogolole? Bua ka pele, ke batla go palama thekisi ele.

    MATSHEDISO: Pulane, maikutlo a me a tobekane, e bile loleme lwa me lo ngaparela magalapeng, gonne ga o batle go nteba le go ntheetsa.

    PULANE: Bua mogolole, bua nna ke a tsamaya fa o sa bue!

    MATSHEDISO: Pulane ke a go rata.

    PULANE: Mogolole, ga nkitla ke go araba jaanong. Mafoko a, namane e tona ya mafoko. Ke morwalo, a imela loleme lwa me go bua. A kgopakgopetsa loleme lwa me, gonne boboko ga bo ise bo a tlhokole ditlhotlha. Ga se mafoko a a buiwang go engwe ka dinao. Mogolole, a re a beele ka moso. Tlaa kwa gae, ke tlaa go reetsa sentle.

    MATSHEDISO: Pulane, go palega eng gore re a fetse jaanong?

    PULANE: (O fela pelo) Matshediso, nako ga e teng. Go bosigo e bile ke romilwe. Ga ke batle go dira selo ke sa akanya le gona o tloga o re ga ke na maitseo.

    MATSHEDISO: Go siame re tlaa kopana ka moso. Ke tle ka nako mang?

    PULANE: Tlaa mantsiboa ka ura ya borobedi.

    MATSHEDISO: (O nyemile mooko) Pulane, ke solofela gore ga o mphore.

    PULANE: Mogolole, ga ke

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1