Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Morabaraba
Morabaraba
Morabaraba
Ebook147 pages2 hours

Morabaraba

Rating: 1 out of 5 stars

1/5

()

Read preview

About this ebook

Morabaraba ke motshameko o o tshamekiwang ka mekgwa e le mentsinyana e e farologaneng. Batshameki ba morabaraba gantsi ba nna babedi, mme ba gaisana ka go tsamaisa le go tseelana matlapana (dikgomo) mo mesimaneng. Yo o tsamaisang matlapana ka botlhale mo mesimaneng o kgona go gapa matlapana a yo mongwe, a bo a mo digela sekaku (a mo ja kgotsa a mo ntsha mo motshamekong). Mo pading ya rona, basimane le basetsana ba phamphadisana/gaisana ka go ratakakana) le go tseelana balekane.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateSep 22, 2017
ISBN9781415452776
Morabaraba

Reviews for Morabaraba

Rating: 1 out of 5 stars
1/5

1 rating0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Morabaraba - SJ Lebethe

    Tlotlo ya motho mongwe le mongwe le boleng ba gagwe jaaka motho, di tshwarelela fela fa go sa ntse go na le dilo dingwe tse batho ba Sa di itSeng ka ga gagwe. Mme fa go itsege sengwe le sengwe ka ga gagwe, o tshwana fela jaaka tsebe ya lokwalo, e e fokiwang ke phefo, gore motho mongwe le mongwe yo o kopanang le yona a e tseye, a bale se se kwadilweng mme a boe a e latlhe gape.

    Boleng ba lefatshe bo ikaegile mo tlotlong le mo tshabong ya dilo tse di sa itsiweng. Ke masaitseweng a re tshabang go tshamekela mo go ona, e se re gongwe ra iphitlhela re tsene mo mathateng.

    Lefatshe le dikologa mo bontleng ba batho ba bangwe. Batho ba e reng ba bonwa, go bonwe lebaka le ka ntlha ya lona re ntseng re leka ka metlha go nna re tshela, go lwantsha mabaka a a thata a lefatshe.

    Ga se gantsi fa o ka fitlhela botshelo bo sa re neye dikai tsa tlhakatlhakano e e aparelang batho-se-ka-rona. Gape ga se gantsi fa re tsaya dikai tse tsia gore re ithute ka tsona. Bogolo o ka utlwa go ntse go twe, Ka re monna wa teng o tlhatswa megopo. Ruri! O mo jesitse batlaetse.

    Go na le gore re ipaakanyetse mathata a a tshwanang le a re a bonang, mme e re re dira jalo re thuse bakaulengwe ba rona, o tla utlwa go twe, Ke di-bonwa-ke-ena. Tlhakatlhakano, maswe, tse ke dimonamone tsa botshelo ba rona gompieno! Tlotlo, maikarabelo, itlotlo, tse ke diano tsa rona! Molekane, loma tsala tsebe; tsala, loma molekane tsebe. Ga go na sepe se re sa se itseng ka ga ope. Botho le tlotlo ya motho mongwe le mongwe jaaka motho, di fetogile.

    Tlhakatlhakano. A lefoko le le itseng go tlhalosa maikutlo le matshelo a batho!

    Tlhakatlhakano e, e simolotse kwa moragorago fa go neng go sena ponelopele le e seng. E simolotse ka kopano ya ga mosetsanyana morwesi le mosimane ntshimane. Kopano ke raya go itsana gore mang ke mang, e seng go feta foo. Le go itsana ke raya go kgona gore morwesi, dumela, kampo, Dumela tlhe, Ntshimane.

    Morwesi, sethakga sa seithati, a lemoga ka bonako gore Ntshimane ga se mosimane wa go kopana le ena fela jalo. E ne e le mosimane yo e reng a bonwe ke mosetsana go tshwanele.

    Ntshimane e ne e le mosimane yo o tsetsweng ka loleme, a sa lo ithuta. O ne a ka bua, letsatsi la ba la nna fa, batho ba ntse ba omeletse ka ditshego. O ne a ntsha ga tshwene segolosetonna fa a na le tshetsana gonne jaaka a ne a tle a bue, Mosimane yo e reng a le fa gare ga tshetsana a seka a omelela legano ke monna; mme monna yo o omelelang legano fa gare ga tshetsana, ene, mosimanyana ruri.

    E rile letsatsi le ba tlisa mmogo ba kopana ba ntse ba ikaeletse go bontshana. Mosimane o rile fa a re dikgomo tsa gaetsho di ma£wi, mosetsana a re di lere ka kwa gae ge ke di bone, e bile ke eletsa ma£wi.

    Ditsala tsa ga Morwesi, boBontle le boMmakgosi, ba ne ba itumelela Morwesi ka tlhapi e o e tshwereng. Mosetsana yoo o pelo le bopelotelele. Lefatshe le itumelela batho ba ba tshwanang le boBontle gonne fa e ka bo e se ka bona, basimane, boMpute, ba ka bo ba goditse molelo bogologolo.

    Lekeke la mosimane, segatlhamelamasisi; motho o itirile podi a re fa tlhogo e tsweleletse, mmele o tshwanetse go e sala morago...

    Mmakgosi, mosetsana lerumo le loditswe fano le kwa. Ruri metsi bontle ke tshegofatso. Nnyaa, legale e ne e ka se nne botshelo.

    Dilo tse di tsamaya mmogo.

    Kopano ya ga Morwesi le mosimane Ntshimane, ke raya thatano jaanong, e nnile sengwe se sentle tota. Bontle ba sona bo ne e bile bo tlhotlheletswa ke kgatlhego ya batsadi. Mmaagwe Morwesi e ne e re fa a bona Ntshimane a tla, a seka a jarajarega. Ntshimane o ne a sa tlaletlale jaaka basimane ba bangwe, ba o fitlhelang baeka ba sa fe basetsana le e seng sebaka sa go fiela matlakala.

    Motse wa Bakwena o na le nokana e e o kgaoganyang ka bogare. Kgaogano e ya tlhago, e lerile dilo, dilelo le dintwa di gana go fela. Batho ba metsana e e itharileng ka Madibeng, ba setse ba itse thata ka ga noka e.

    Madibeng o tlhokile leina, leina la gago ga se la gago. E re mariga a tsena dikgomo tsa gago tsa bopama, naga o fitlhele e re setlheei ke bojang. Baagi ba gago ba rata molelo, o fitlhele naga e rile fii! ka pilo.

    A Letlhabula le dikologe re tle re go bone. Baitse ba dilo ba re sefatlhego sa mosadi yo o tsetsweng ke mosadi a le montle mme naga yotlhe e le mmele wa gagwe, ruri ke wena.

    A letsatsi la Letlhabula le go tlhabele, ka thabana e e motsheo kwa bophirima; e re le wela e go apese moriti o o marutshwana. A e re fa le tlhaba jalo re lebelele matlo a gago, batho e kete ba nna kwa Mmakaipaya. Dipilara tsa gago matlo a a mabono, dikago tse di tshweu di dikologile noka. Bona ntlha e jaaka Mokwena o agile tlhe! Nnyaa, ga re na lefoko la go ngongorega. Nnyaa, ke nako ele ya fa basweu ba ne ba ise ba tle ka mokgwa wa bona wa go aga matlo a salane morago, batho e kete ditsenwa.

    Tsela e, e tlhaga Borwa. Go na le motse wa basweu gona, Tshwane. Bana ba gago ba tswetse ntlheng yona eo, go ya go batla dibewa-mo-ntshung, dijo.

    E yona, tsela, e tlhaga motseng o mongwe wa Basweu, Rabohula. Ga twe ke gona kwa bana ba gago ba ka bong ba dira gona. Ba ganne ka ntlha ya gore go sena madi kwa teng. Ba re go nna mofuta o o setlhogo wa basweu. Fela ga se gore kwa Borwa basweu ba teng ba botoka; nnyaa, ba botokanyana fela, lefa e se ga sepe.

    Morwesi le Ntshimane ke bana ba ona motse o, Madibeng.

    E a tle e re fa thoko ga noka e, go nne mokgatshana o o fitlhelang o kgomerwe ke dikgomo mariga. Mokgatsha o, Letlhabula, o fitlhela o kgomerwe ke bojang jo botala mo maribeng. Lesu le le ikaegileng ka mariba le latlhetse moriti o o tsiditsana ka ntlha ya botlhabatsatsi fa letsatsi lona le lebile bophirima. Ke gona fa, fa e neng e re o feta motshegare wa maitsiboa a Tshipi, o fitlhele Morwesi le Ntshimane, kgotsa re ka re Ntshimane le Morwesi, ba iketlile, dinamane di ja mokaragana.

    E tla re fa le lebile go atla dithaba kwa bophirima wa bona ba iketlile, ba tloga ka riba la noka, Ntshimane a mo felegetsa. O ne o ka ja monate go bona ba iketlile e kete batho ba se na maikaelelo. E tla re gongwe fa o tsokile o ba feta, o fitlhele gore mosetsana wa rona o tshega a sa fetse. Ruri Ntshimane o ne a tlosa bodutu.

    Nngwe ya dintwa tse di sa felelng ya noka e, e ne e le magareng ga basimane ba ba nnang ntlha eno le ba ba nnang moseja. Dipuo tse dintsi di tshwere jaana gore lerole le ne le tswa mo basimaneng ba ba nnang kwa moseja, ke gore ba ba nnang borwa jwa noka. Legale ga go itsege gore tota nnete ke efe gonne ntwa e, e tshwanetse ya bo e simolotse bogologolotala, fa go sa tlholeng go itsiwe gore eng ke eng.

    Basimane ba na le go dira ditlhophatlhopha tse e reng fa di kopana, e bo e nna tshwarangtshwarang. E tshwanetse ya bo e le tsona dilo tse di ntseng jalo. Mosimane fa a tsamaya jaaka Ntshimane jaana, mathaka a ka kwa borwa ba re o ba tseetse, mme ba ka mo latswa kwa ntle ga tekateko. Gongwe ke lona lebaka le le neng le dira gore Ntshimane a seka a nna a boa bosigo moseja. Kana ena o ne a nna motse ntlheng nngwe.

    Mo makgetlong a o neng a ile go bona mokapelo bosigo, o ne a kopana le bona, mme ba seka ba mo raya sepe. Lebaka e tshwanetse ya bo e le gore o ne a sa reye ope sepe.

    Ee, go ne go na le nako e o neng o dira jaaka basimane botlhe. Legale o ne a netefatsa pele gore rraagwe le mmaagwe Morwesi ga ba teng mo lapeng. Gape o ne a ka seka a lala a tsamaya masigo batsadi ba le teng mo gae.

    Tlotlo e, e bana ba ba neng ba e bontsha batsadi, ke yona e e dirileng gore ba ba rate mmogo le kopano ya bona. Fela ga se gore Ntshimane le Morwesi ba ne ba sena molato. Nnyaa, ona molato ke mokgwa go seng jalo ke molao.

    Mo gare ga tshipi e ne e re fa a moeka a tlhoafaletse Morwesi, a nne jaaka motho a se na tlhaloganyo. Morwesi le ena e ne e re a ntse a tloge a nyenye a le esi, pelo a tlogetse setopo fa o ntseng gona.

    Ka letsatsi lengwe e le Lamatlhatso, mo mosong, bayanokeng ba bona mosimane a tla a iketlile, a tshela noka. Puo ya ja diteme tsa batho jaaka molelo o ja bojang jo bo omeletseng: ga twe re tla bona gore Morwesi o tla felela kae. Ngwaga wa ba wa fela ba sa utlwe se ba neng ba se reeditse, selelo sa lesea.

    Ntshimane o ne a sa tlhage kwa teng. O ne a mpa a tsogile e sa le gale mosong oo, mme a iphokisa phefo, nnyaa, a re re mowa wa moso. Batho bona, ka go eleletsa bangwe bosula, ba bo ba setse ba re rraagwe Ntshimane o letse a sa tlhatlhela dinamane tsotlhe.

    Tsala nngwe ya ga Morwesi o ne a nna gaufi le fa gabo Ntshimane. Leina go ne go twe Ntshetsana. Ntshetsana o ne a buiwa ke batho ba tlhaga kgakala, ba re ngwana yo o tshwanetse ke lelapa la ga mme. Ba ne ba ntshana se inong le Morwesi, go se na sephiri ba sa se jeng mmogo. Go tloga fa, ba tsena sekolo mmogo e ntse e le ditsala. Aitsane kgang e tla nna mosimane...

    Mmagwe Morwesi a tswa le Morwesi go sa le gale mo mosong. Ba fitlha ba ema fa bese e tla fetang gona. Ba ne ba le mo tseleng ya go ya go jela mmangwaneagwe mosetsana nala kwa metseditoropong. Mosimane o ne a itse ka ga loeto lo, mme a rulagantse jaana le mokapelo gore e tla re ba pagama, ba mo fitlhele mo beseng. Mmaagwe o ne a tla tlhoka lefoko gonne bese e le ya ga mang le mang.

    Nnyaa, maakana ao ya nna ona. Mosadimogolo o rile go mmona a

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1