Discover millions of ebooks, audiobooks, and so much more with a free trial

Only $11.99/month after trial. Cancel anytime.

Se Time Tsala
Se Time Tsala
Se Time Tsala
Ebook71 pages1 hour

Se Time Tsala

Rating: 0 out of 5 stars

()

Read preview

About this ebook

Se Time Tsala is a volume of short stories written in Setswana. The title can be freely translated as: "Do not refuse to share with a friend".

Dikhutswe tse di faano di dirafatsa dikarolo tse di farologaneng go ya ka ka khutswe nngwe le nngwe.

LanguageTswana
PublisherVia Afrika
Release dateSep 18, 2017
ISBN9781415452363
Se Time Tsala

Reviews for Se Time Tsala

Rating: 0 out of 5 stars
0 ratings

0 ratings0 reviews

What did you think?

Tap to rate

Review must be at least 10 words

    Book preview

    Se Time Tsala - RSA Naanyane

    1. Bogodu ga bo thuse

    Go ne go le lenyalo la morwa Lesejane mo Lefurutshane. Basimane ba retha lefatshe ka mpheetšhane, lerole le lehibidu le bela mo phefong.

    E rile batho ba emisa ditlhogo ba bona koloi ya mapodisi e goroga. Mogolokwane, pina le poko ga re gau! Batho ba ema mantlopentlope jaaka mefele e tlhasetswe ke selalome. Fa koloi e ema Sajene Kokobela a bo a setse a tshematshema fa fatshe, kepise ya gagwe e phatsima. E rile go ise go ye kae a bo a setse a tlhakatlhakane le thaka e tshesane. Basimane ba phatlalala. Go a bonala a bo a ba itse sentle gonne e rile mosimane mongwe a mo supetsa tsela ya Dikgatlhong a boela kwa koloing kwa ntle ga go senya nako. A kgatlhana le Konsetabole Rampou mme a mo supetsa ka monwana gore ba tshwanetse ba leba Dikgatlhong.

    Fa ba sena go tloga, lerole la koloi ya bona le sa ntse le itirile phate mo loaping, monnamogolo mongwe a bonwa e kete o ba sala morago ka baesekele. Batho ba boela mo go tse ba neng ba di dira pele ga ba bona koloi ya mapodisi. Ga nna monate gape mo lenyalong, pina ya utlwala, megolokwane ya ya godimo.

    Go ne go le Labone, malatsi a le matlhano fela morago ga lenyalo la kwa ga Lesejane, fa Sajene Kokobela le Konsetabole Rampou ba bonala mo sekolong se segolwane sa Sefutswelo. Ba lopa mogokgo gore ba batla go bona Motsomi. Motho e le ngwana wa sekolo go bo go setse go umakiwa dilo tse di tshwanang le majalwa le matekwane ka ga gagwe! Go ne go sa gakgamatse go utlwa gore o batlwa ke mapodisi.

    Ka Matlhatso ka tsogela kwa morakeng ke na le Ikaneng. Re tswa go bona boammaaruri jwa go re bogodu ga bo thuse. Monnamogolo wa batho, Mmitsa, a tlodisiwa kgati. Motho a le mogolo!

    Monnamogolo, basimane ba ba disang le wena ba ne ba le kae ka Matlhatso bosigo? Sajene Kokobela a botsa a butse bukana go bonala gore o ipaakanyetsa go kwala sengwe.

    Nna ga ke itse gore kgomo e ba e tlhabileng ba e utswitse kae, Mmitsa a araba, meteteselo ya gagwe e kete ya mosimanyana a gata segagane ka dinao.

    Sajene Kokobela a se ke a senya nako. A apaapa monnamogolo lotlhaa e bile go bonala gore tiro ya gagwe o e itse sentle.

    Monnamogolo ke wena, o itlwaeditse mokgwa o o maswe! Ga o arabe potso e ke e go boditseng. Ga ke tlhole ke batla ditlontlokwane tsa maloba kwa Lefurutshane. Araba potso e ke e go boditseng, tsweetswee. Ka re basimane ba o disang le bona ba ne ba le kae ka Matlhatso bosigo? a boeletsa potso ya gagwe ka bonya jwa leobu.

    Rra, ga ba teng, Mmitsa a tila potso e a e boditsweng, e seng ka bomo mme ka ntata ya letshogo.

    Monnamogolo, o se ke wa itira ngwana. Araba potso e ke e go boditseng. A o a nkutlwa? Sajene Kokobela a bua a mo apaapa lerama gape.

    Rra, ga ke itse gore ba ne ba le kae, Monnamogolo a araba.

    A jaanong o itse gore ba ile kae? Sajene Kokobela a botsa go bonala gore o fela pelo.

    Rra, ba ile kwa Pitsedisulejang. Ba tlogile fano ka Laboraro go sa le phakela. E rile ke tsoga ka fitlhela ba ile, ga araba monnamogolo, Mmitsa, a ntse a tetesela.

    Sajene Kokobela a kwala. Fa a fetsa a re:

    Monnamogolo, golo fa lo ikaeletse selo se se maswe! Ke go re basimane ba jaanong ba ile go utswa dikgomo tsa batho ba bangwe gape! Go siame, tsa lona e tla nna tsa ba bangwe. Thukhwi o rile ke lebelo, motlhaba wa ra ke namile. Ke gakgamadiwa ke gore wena, o le monnamogolo, o tlhotlheletsa basimane go senya! Ka re go siame, tsa lona di tla bonwa.

    Rra, ga se nna, monnamogolo a leka go intsha mo molatong.

    Didimala, monnamogolo, ga ke ise ke fetse. E tla re ke tloga fa marama a gago a bo a rurugile go feta fa o ka se ka wa mpolelela nnete yotlhe fela, Sajene Kokobela a mo tlhomamisetsa.

    Fa a sena go kwala sengwe gape a re:

    Bona fa, wena Mmitsa, ke itse nnete yotlhe. Wena ntsha letlalo la kgomo e e tlhabilweng kwa lenyalong la ba ga Lesejane; dikgang tse dingwe tsa bogodu jwa lona di tla latela. Kgotsa o ithaya o re ke matlhogole, monnamogolo? Ga ke setlabošwane mo tirong e. Ke itse ka botlalo gore Boenyana ke moeteledipele wa basimane ba gago. Ena o mmolelele gore motsi re kopanang go tla nkga go sa bola gonne ke itse mathaithai a gagwe otlhe. O mmolelele gore ka Labotlhano, phakela, ke mmatla a tshela kwa Madikwe. A itlise, gonne fa nna le Konsetabole Rampou re ka tla go mo tsaya go ka senyega.

    Ba tloga mo morakeng ka sefefo sa kgwanyape. Ntšwanyana ya ga Mmitsa ya sala e bogola dithole, bona ba setse ba tshela noka ya Tholwana.

    Ka Labotlhano, phakela, Boenyana a tsena kwa Madikwe go bonala sentle gore ga a rate gore tsa gagwe e nne tsa

    Enjoying the preview?
    Page 1 of 1